MOGAKOLODI WA GAGO KE MANG?
Thapelo: Moefangedi Sieberen Voordewind
Go moreetsi, ke tlaa bua ka:
"Mogakolodi wa gago ke mang?" Ke kopa gore o bule pelo ya gago jaaka o reetsa lefoko la Modimo go amogela masego.
Lefoko la Modimo la re: " Mme yo o tshephang mo go ene (Jeso) ga a kitla a tlhabiwa ke ditlhong." Baroma 9:33. O ka tswa o na le mathata, mo lefokong la Modimo re bala ka monna yoo o neng a na le mathata a magolo. Leina la gagwe ke Jehosafate. Lefoko la Modimo la re mo 2 Ditiragalo 20:2 le 3a: "Banna bangwe ba tla ko go Jehosafate ba mo raya bare ' masole a mantsi a tla kgatlhanong le wena go tswa Edom... Jehosafate a tshoga..."
Gongwe jaaka Jehosafate o ntse o na le mathata kana o le mo poifong. Poifo ya bokamoso kana go latlhegelwa ke botshelo. Gongwe o boifa gore ga o kitla o tswa mo mathateng. Mo botlhoking jwa gago, potso ke gore: " Mogakolodi wa gago ke mang?" Ee, o ya ko go mang fa o na le mathata le poifo: Dira se Jehosafate a se dirileng! Lefoko la Modimo la re: " Jehosafate a tshoga mme a tsaya tshwetsho ya go ya ko go Morena." A ikaelela go batla sefatlhego sa Modimo ka botlhoki jwa gagwe. Modimo yo o utlwang a ba a araba dithapelo tsotlhe, ka nako ya gagwe. Lefoko la Modimo la re mo temana 3: "Ene (Jehosafate) a bitsa phuthego ya Juta gore ba itime dijo go kopa thuso mo Modimong." Morena a bakwe! Jehosafate a kopa thuso e seng mo mothong mme mo Modimong. Mathata a gagwe a ne a ka se kgonwe ke motho. A rapela a re: " Ga rena maatla a go tlhabana le masole a a re tlhaselang." (temana 12). Gongwe le wena o iphitlhela o le mo seemong se o sa se kgoneng. Mo sethong, seemo sa gago se thata. Ga o bone ka fa oka falolang ka teng. Fela jaaka Jehosafate a re: " Ga re itse gore re ka dira eng," Ga o itse gore o ka dirang. Mogakolodi wa gago ke mang? O ya ko go mang fa o batla thuso? Jehosafate a rapela Modimo: " re beile mo go wena." Jannong a seka a tlhola a bona mathata, mme a dumela go Modimo wa makgonatsotlhe. Fa a ntse a rapela, lefoko la Modimo la re: (temana 14) " Mowa wa Modimo wa tsena mo go Jahasiele... a re: "Reetsa Kgosi Jehosafate le lona ba Juta le Jerusalema! Se ke se Morena a se buang: (le lona ba lo reeditseng) " Lo se boife kana lwa kgojwa marapo ke masole a. Ka gore ntwa e ga se ya lona, ke ya Modimo. Iketleng, lo tle lo bone kgololesego e Modimo a tlaa lo e fang. Lebaganang le bone ka moso, Morena o tlaa bo a na le lona."
Ee, ga ba sanste ba le mo thapelong, Mowa oo Boitshepho a tla ka karabo. Ke kgakgamatso! Mme ka mautlwelobotlhoko, re na le lokwalo le le tlhotlheleditsweng ke Mowa oo Boisthepo le le nang le dikarabo tsotlhe. Lekwalo le ke lefoko la Modimo!
Mo lefokong, Modimo a re:"Mpitse ke tlaa go araba ke bo ke go bontsha dilo tse o sa di itseng."..." Ke bo ke tlisa phodiso." (Jeremia 33:3-6).
Fa o letlelela Modimo go nna mogakolodi wa botshelo jwa gago, o tlaa bua le wena ka thapelo, ka lefoko la Modimo ka na ka tsela e sele.
Thuso ya gagwe ke ya nnete! Kgakololo ya gagwe ke ya nnete. Dira se Jehosafate a se dirileng o tseye tshwetso go kopa thuso mo go yoo itseng gotlhe: Modimo yoo tshelang. Fela jaaka Jehosafate, Morena o tlaa utlwa thapelo ya gago ya nnete. Mme ka nako ya gagwe, o tlaa go araba.
Fa Morena a sena go araba Jehosafate re bala: " Jehosafate a oba tlhogo, le merafe ya Juta le Jerusalema ba obamela Morena." ( 2 Ditiragaalo 20:18).
Le pele ga mathata a rarabololwa, a dumela kgakololo ya Modimo mme a mo obamela.
Fa Modimo a bua le rona ka thapelo kana go bala lefoko la gagwe, ga re a tshwanela go bona karabo ka matlho a rona pele ga re dumela. Re tshwanetse go dumela gore Modimo o araba pele ga re ka bona. Jeso a re mo go Mareko 11:24: " Fa go le jalo ke lo bolelela se, se lo se kopang mo thapelong, dumelang gore lo setse lo se amogetse, mme lo tla nna le sone." Dumela gore thapelo ya gago e setse e utlwilwe ke Modimo pele ga o bona diphetogo. Simolola go mo lebogela motlholo. Fela jaaka Jehosafate, Morena Modimo o tlaa araba thapelo ya gago. Mo nakong ya Modimo, le wena o tlaa tswa mo mathateng jaaka Jehosafate ka boitumelo le kagiso: se re se bala mo lefokong la Modimo:
" Mme, ba eteletswe pele ke Jehosafate, banna ba Juta le Jerusalema ba boela ko Jerusalema ka boitumelo, ka gore Morena o ne a ba file phenyo. Ba tsena Jerusalema ka dikgalaletso go ya ntlong ya Morena. Poifo Modimo ya tsena magosing a mafatshe ga ba utlwa ka fa Morena a lwetseng sechaba sa Iseraele ka teng. Mme bogosi jwa ga Jehosafate jwa nna le kagiso, ka gore Modimo wa gagwe a bo a mo file iketlo." (2 Ditiragalo 20:27-30).
Morena a bakwe! Se Modimo a se diretseng Jehosafate, o ka se go direla mo leineng la morwae Jeso wa Nazaretha, yoo o tsileng lefatsheng go rekolola baleofi.
Gongwe le gongwe ko o leng teng, mo lwapeng, mo toronkong, mo koloing, kana kae fela: a re ye ka tumelo go Modimo ka thapelo.
" O Modimo le Ntate. Mo leineng le le ntle la Jeso Keresete ke tla go wena, le ba ba nang le matlhoki mme ba reeditse kgaso e. Ga re eletse go belaela, mme re dumele gore o mogolo go feta matshwenyego. Ka jalo ke a kopa: A poloko, kgololo, le maatla a phodiso a tswe mo go wena ka sebaka se. Fodisa ba ba lwalang, golola ba ba bofilweng ke poifo le matshwenyego. Ntsha matshwenyego a tsa madi. Ntsha botlhoki. O Morena, tla go ba ba reeditseng, ka maatla a gago a boModimo le tlootso, gore matshelo a bone morago ga kgaso e, a seka a tlhola a tshwana le pele. Ke a go leboga gore mo mautlwelobotlhokong a gago, o tlaa utlwa thapelo e, mme o e arabe ka nako ya gago. Ke a go galaletsa le go tsholetsa leina la gago le le Boitshepo."
Tsala ya me: amogela phodiso, kgololesego, le tlootso ya Mowa wa Modimo mo leineng la ga Jeso! Dumela se mme o leboge Modimo! O se lebale se: Mogakolodi wa gago ke mang?
Ke lo eleletsa masego le matlhogonolo a Modimo mo leineng le le maatla le le godimo ga maina otlhe, Jeso Keresete. Amen!
WHO IS YOUR ADVISOR?: Translated by:
Priscilla Gasewame
********************** O SEKA WA ITLHOBOGA
O seka wa itlhoboga
fa dilo di le kgatlhanong le wena.
O seka wa ilthoboga
fa go le lefifi.
O seka wa itlhoboga
fa go lebega ekete ditoro tsa gago ga di na go diragala.
O seka wa itlhoboga
fa batho ba bangwe ba itlhoboga.
O seka wa itlhoboga
fa seemo se lebega se le maswe.
O SEKA wa itlhoboga
ka gore karabo e mo tseleng,
ka gore Jeso o feta matlhoki otlhe,
ka gore letsatsi le tlaa tlhaba,
ka gore ditoro di tlaa netefala,
ka gore go na le karabo go ba ba itlhobogileng,
ka gore Jeso ga a itlhoboge.
Ka jalo o se ka wa itlhoboga!
(c) Sieberen Voordewind/ Do not give up: Translated by: Priscilla Gasewame
**********